MULTIMEDIA = DIPHASALATSO TSA MEFUTA E E FAROLOGANENG
Lefapha la Ditlhaeletsano
Tlhabololo ya Diradio tsa Setšhaba
Diteng
Ketapele
Matseno
Lemorago la Porojeke
Letlhomeso la Peomolao le Pholesi ya Mmuso ka ga Ditirelokgaso tsa Setšhaba
Tshegetso ya Tlhomo ya Mafaratlhatlha a Diradio tsa Setšhaba
Mmepe o o supang Diteišene tsa Diradio tsa Setšhaba
Didirisiwa tse di setseng, mo pakeng ya 2000/1
Lenaanekakaretso la Mmuso la Tshegetso ya Diradio tsa Setšhaba
Molao o o Letlang maemo a
Tshegetso ya Lenaane la Mafaratlhatlha
Tlhagiso ya Mananeo
Diphasalatso tsa Mefuta e e Farologaneng tsa Se-Eleketeroniki tsa Setšhaba (CEM)
Tshegetso ya Beng
Diakeronimi
KETAPELE
Baagi ba Aforika Borwa (fela jaaka baagi bangwe le bangwe), ba na le tshwanelo e e tletseng ya go bona tshedimosetso le go fitlhelela ditlhaeletsano. Ditshwanelo tsa ditlhaeletsano ke ditshwanelo tsa botho ka kakaretso, mme di tshwanetse go somarelwa le go atolosiwa go ya ka mabaka a thekenoloji ya tshedimosetso le ditlhaeletsano e e fetogang ka bonako jwa ponyo ya leitlho. Ditlhaeletsano tsa fa gare ga baagi di abela batho dithata e bile di tlisa ditšhono tsa gore baagi bao ba nne le seabe mo kagongsešwa, tlhabololo le thulaganyo ya demokerasi.
Tona ya Ditlhaeletsano
Go ya ka mabaka a lefatshe la rona, mo bong jwa diphasalatso jo bo ntseng bo le mo matsogong le taolo ya batho ba ba rileng fela, tirelo ya kgaso ya setšhaba e supa bonnete jwa go arogana bong le go laola diphasalatso. Maatla le natla tsa dikgaso tsa selegae di simolola go tlhagelela le go bula dikgoro tsa gore baagi ba selegae ba nne le seabe. Se ke motshini wa tlhabololo; o tlhabolola le go ribolola talente; o rotloetsa le go senola setso sa tikologo, mekgwa ya botshelo le boitshupo; o tshwaela seabe mo tlhabololong ya badiri ba tirelo ya kgaso le madirelo a a tsamaelanang nao, (ke ka ntlha ya se batho bangwe ba o bonang e le matantabelo a go katisa batho); e bile o thusa go ribolola mantswe le dikakanyo tse di farologaneng.
Radio ya setšhaba ke lentswe la baagi ba tikologo mme e bile ke sedirisiwa se se maatla sa go phasalatsa tshedimosetso ka puo ya baagi ba tikologo eo. Ke mokgwa wa go tlhabolola ditlhaeletsano tsa baagi, puso, mekgatlho ya di-NGO, le mekgatlho e mengwe e e tlhomilweng mo tikologong.
Ke ka ntlha ya mabaka a, mo puso ya Aforika Borwa e emang nokeng tlhabololo e e tswelediwang ya lekala la diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng tsa se-eleketeroniki tsa selegae, bogolo segolo radio ya selegae. Kemonokeng e, e supediwa tsela ke maano a a tshwaragantsweng le a a tla tswelediwang a puso a tlhabololo ya dikgaolo tsa magae. Go diragatsa letsholo le go dirwa go lebisitswe ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, bogolo segolo tse di leng kwa dikgaolong tsa magae. Rona re le puso, re solofela gore baagi ba tikologo ba tla dirisa dipeeletso tsa mafaratlhatlha a ka botlalo, go tswela botlhe mosola.
Ka go dirisa maano a a tshwaragantsweng a tlhabololo e e tla tswelediwang ya kwa magaeng, puso e ikaeletse go tsepamisa matsapa a yona a go abela baagi ba go nna jalo ditirelo. Maikaelelo magolo e le go tokafatsa matshelo a batho botlhe.
Matseno
Mo lefatsheng lengwe le lengwe le le tlhabologang go kgabaganya lefatshe lotlhe ka bophara go ditlhokego tsa botlhokwa tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano a a ikaeletsweng go tokafatsa botshelo jwa moagi mongwe le mongwe. Mabaka a a ne a eme jaana, mme e bile a santse a le teng mono Aforika Borwa, mo diphetogong tsa go kgabaganya go tswa mo kgethololong ya apartheid go fetela kwa thulaganyong ya demokerasi ka botlalo. Go ne go le botlhokwa mo ditheong tsa diphetogo le tlhabololo, go ribolola ditsela di le mmalwa tsa lekala lengwe le lengwe la tlhabololo ya setšhaba, go akarediwa mekgwa ya go di diragatsa le go di ema nokeng go fitlhelela maikaelelo a setšhaba se, mo mererong ya bosetšhaba le ya sepolotiki.
Mo ngwageng wa 1994, Ma-Aforika Borwa otlhe a ketekile moletlo wa go simolola thulaganyo ya demokerasi, e e tlhodileng Lenaane la Kagosešwa le Tlhabololo (la RDP). Maitlhomo a maikaelelo a, ke go siamisa mathata a nako tse di fetileng, go direlwa mo maikaelelong a ditlhabololo tse dintšhwa, go tsepangwe mo diphetogong tse di direlwang mo mokgweng o o mosola o o tla tswelang ditokololo tsa setšhaba molemo mo ditirong tsa tsona tsa letsatsi le letsatsi le mo molemong wa go tshela botshelo jwa bona. Kakanyo ya RDP e ntse phitlhelelo e kgolo ka e etse tlhoko ditlhokego tsotlhe tsa tlhabololo ya setšhaba, tse di akaretsang melao le ditso tsa Merero ya Kgaso.
Kwa tshimologong, Aforika Borwa e ne e na le makala a le mabedi a ditirelo tsa kgaso, a le ka fa tlase ga Koporasi Kgaso ya Aforika Borwa (SABC), e le la Bosetšhaba le la Poraefete / la Bogwebi, mme a ne a sa lekana lefatshe le le tlhabologang go ya ka ponelopele le maikaelelo a ona. Se se ne sa fetolwa ke thulaganyo ya puso e ntshwa fa melao yotlhe e e neng e lomeletsa ditlhopha tse dingwe tsa setšhaba, e phimolwa. Go ne ga tlhamiwa Molao o mošwa, o o neng wa tlhama Setheo se se Ikemetseng sa Ditirelo tsa Kgaso, (IBA - Molao wa bo 153, wa 1993). Molao o o ne o tshwanela go tlhomiwa ka kakanyo e ntshwa ya diradio tsa selegae go nna sedirisiwa sa botlhokwa sa diphetogo le tlhabololo.
Ditirelo tsa kgaso ke thulaganyo e ntšhwa ya mo Madirelong a Kgaso mo Aforika Borwa. Tsona di tlhodilwe ke boikuelo jwa go rulaganya makhubu a demokerasi, a a neng a goelediwa ke mekgatlho ya go golola lefatshe, e bile e eteletswe pele ke matsholo a demokerasi, ka fa tlase ga Mokgatlho wa Demokerasi ya Botlhe (MDM). Boikuelo jo bo konoseditswe ka go bolotsa Letsholo la Ditirelo tsa Kgaso tse di Ikemetseng go ya kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo '80 le tshimologo ya dingwaga tsa bo '90.
Ka ntlha ya letsholo le, le go ela tlhoko maitemogelo a dinaga tse dingwe tsa lefatshe ka bophara, go ne ga simololwa ka kakanyo ya diradio tsa setšhaba. Balwela kgololosego le mekgatlho ya baagi e ne ya simolola diporojeke tsa diradio tsa setšhaba naga ka bophara. Go ne ga tlhamiwa Molao wa IBA mme Khansele ya IBA ya simolola go rebola dilaesense tsa diteišene tsa diradio tsa setšhaba ka ngwaga wa 1995.
Go fitlhela gompieno, IBA e rebotse mefuta ya dilaesense tsa diradio tsa stšhaba tsa paka ya nako e khutshwane, tsa nakwana le tsa dingwaga di le nne, di le 80.
Lemorago la Porojeke
Lekala la Diradio tsa Setšhaba ka thuso ya Foramo ya Bosetšhaba ya Ditirelo tsa Diradio tsa Setšhaba (NCRF), le Terasete ya Diphasalatso tsa Mefuta e e Farologaneng tse di Ikemetseng (IMDT), di ne tsa tshwara ditherisano le puso go itepatepanya le mokgwa wa kemonokeng ya setheo sa Puso ya Denmark, sa Royal Danish, wa ketleetso ya Ranta ka Ranta. Go ne ga tlhomiwa Letlole la Kagiso go tsamaisa letlole le le abilweng ke Boemedi jwa Royal Danish. Puso e eme matsapa a nokeng mme ya simolola Porojeke ya go Ema Nokeng Mafaratlhatlha a Diradio tsa Setšhaba, e e neng e ikaeletswe go dira ditshiamelo tsa go ema nokeng ditlhokego tsa botlhokwa tsa diteišene tsa diradio tsa setšhaba tsa kwa dikgaolong tsa magae le tsa metse e e mabapi le ditoropo mo nageng.
Porojeke e e weditswe morago ga ditherisano tsa nako e telele magareng ga puso le balwela kgololosego mo mererong ya ditirelo tsa kgaso ya setšhaba le mekgatlho e e di babatsang, e e neng e le, e bile e santse e le matsapa a a atlegang mo ditlhopheng tse pedi tse. Kakanyo e e emeng porojeke e nokeng e tlhotlhelediwa ke ditlhokego tsa go tlhabolola ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, tse le fa tota di neng di itse gore di ka kgona go fitlhelela makhubu a kgaso, di neng di sa kgone go itshimololela diteišene tsa radio ka ntlha ya mabaka a go tlhoka matlole a go di simolola.
Fa e sale ka nako eo, Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC), le abile ditlamelo tsa kgaso go diteišene di le mmalwa tse di tlhomilweng kwa dikgaolong tse di di tlhokang thata. DoC e eme nokeng manaane a go gatisa mananeo, ka go etleetsa mananeo a le mmalwa mme ya tlhoma Setheo sa Bosetšhaba sa Diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki sa Aforika Borwa (NEMISA).
Ka NEMISA, DoC e ikaeletse go katisa badiri go ema nokeng le go abela diteišene tse tsa diradio tsa setšhaba dithata ka botlalo. Tsotlhe tse di umakilweng fa godimo di tsamaisana sentle le ditirelo tse dingwe tsa lekala le ka botokololo jwa ditheo tse di tshwanang le Foramo ya Bosetšhaba ya Diradio tsa Setšhaba (NCRF).
Lefapha le ne mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, ka ditherisano le makala a mangwe a a nang le kgatlhego, la ititaya sehuba go tlhabolola ditshiamelo tse di ka tswelediwang tsa ditlhaeletsano go batho ba ba humanegileng. Go botlhokwa gape go gatelela lebaka la gore puso e tlhabolotse lenaane la maano a ditlhokego tsa botlhokwa, le le bidiwang "Maano a a tshwaragantsweng le a a tswelediwang a go tlhabolola dikgaolo tsa magae le go ntšhwafatsa tse di mo ditoropong". Maano a lona ke go tokafatsa dikgaolo le matshelo a ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng ka tlhabololo e e tshwanang kgotsa ka go tlhoma mafaratlhatlha, a a leng karolo ya tlhabololo ya diradio tsa setšhaba. Maano a gompieno a bonwa e le kutu le motheo wa tlhabololo ya dikgaolo tsa magae le matsapa a go ntšhwafatsa tse di kwa ditoropong, go tsamaelana le ditlhokego tse di botlhokwa tsa ditlhopha tse di farologaneng tsa setšhaba.
Letlhomeso la Peomolao le Pholesi ya Mmuso ka ga Ditirelokgaso tsa Setšhaba
Athikele ya bo 19 ya Kgoeletso ya Boditšhabatšhaba ya Ditshwanelo tsa Botho ya 1948 e netefatsa gore motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ntsha kakanyo ya gagwe kwa ntle ga go boifa sepe le go bua se se mo mafatlheng; ditshwanelo tse di akaretsa/di tlhaloganya kgololosego ya go ntsha dikakanyo tsa motho kwa ntle ga sekgoreletsi le go kgona go batlisisa, go amogela le go fetisa tshedimosetso le dikakanyo ka mokgwa wa ditlhaeletsano le go tlotla selekanyetso sa ntlha e.
Molaotheo wa Aforika Borwa wa 1996
Karolo ya bo 3 (a) ya Molaotheo wa Nomoro ya bo 108, Molao wa 1996, e dira ditshiamelo tsa gore baagi botlhe ba na le tetla e e lekanang ya ditshwanelo, ditšhono le mosola wa boagi jwa lefatshe le.
Mokaedikakaretso
Lefapha la Ditlhaeletsano
Karolo ya bo 9 ya Molao o e tswelela pele ka gore motho mongwe le mongwe o lekana le mang le mang fa pele ga molao e bile o na le tshwanelo e e lekanang ya go sirelediwa le go bona mosola wa molao. Go ya pele e dira ditshiamelo mo karolong ya bo 16 , ya gore motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ntsha se se mo mafatlheng ka kgololosego, tse di akaretsang;
a kgololosego ya dikuranta le diphasalatso;
b kgololosego ya go amogela kgotsa go tshwaela mo tshedimosetsong kgotsa mo dikakanyong;
c kgololosego ya go supa le go ntsha dikakanyo ka ga botsweretshi; le d kgololosego ya merero ya thuto le kgololosego ya go dira dipatlisiso tsa saense
Ka fa letlhakoreng je lengwe Karolo ya bo 32 e tlhalosa gore motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go fitlhelela;
a tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke puso; le b tshedimosetso nngwe le nngwe e e tshotsweng ke motho yo mongwe e e tlhokegang go diragatsa kgotsa go sireletsa ditshwanelo dingwe le dingwe.
Karolo ya bo 192 e dira ditshiamelo tsa gore melao ya bosetšhaba e tshwanetse go tlhoma setheo se se ikemetseng sa go laola merero ya kgaso mo dikgatlhegelong tsa setšhaba, le go netefatsa gore tsotlhe di dirwa ka tolamo le go supa dikakanyo tse di farologaneng tsa setšhaba sa Aforika Borwa ka kakaretso.
Molao wa Bothati jo bo Ikemetseng jwa Tirelokgaso wa 1993
Karolo ya 1 ya Molao wa Bothati jo bo Ikemetseng wa Tirelokgaso wa No. 153, wa 1993 (o o tlhabolotsweng), o neela tshiamelo ya goreTirelokgaso ya Modumo wa Maatla a a kwa Tlase e kaya tirelokgaso ya setšhaba, ya poraefete kgotsa ya setšhaba e e gololang maatla a motlakase a a sa feteng wate e le nngwe.
Karolo ya 1 (xviii) ya Molao o, jaaka e tlhabolotswe, e kaya gore setšhabae ka nna baagi ba ba nnang mo lefelong le le rileng, kgotsa karolo ya setšhaba se se nang le dikgatlhego tse di tshwanang le tse di tlhomameng. Karolo ya 1 (xix) ya ona Molao o, e kaya gore tirelokgaso ya setšhaba e tlhalosa tirelokgaso e e;
a laolwang ka botlalo ke setheo se se sa kokoanyeng dipoelo tsa morokotso e bile e tsamaisiwa ka maikaelelo a go se bone morokotso;
b direlang setlhopha se se rileng sa setšhaba;
c rotloetsang ditokololo tsa baagi ba ba abelwang tirelo ka yona kgotsa batho ba ba golaganngwang le yona kgotsa ba ba rotloetsang dikgatlhegelo tsa baagi ba go nna jalo gore ba nne le seabe fa go tlhophiwa le go aba mananeo a a tshwanetseng go gasiwa mo mofuteng wa tirelo eo ya kgaso; le d ka abelwang matlole ka dimpho, diketleetso, kemo nokeng kgotsa ka dipapatso kgotsa ka dituelelo tsa ditokololo, kgotsa ka go tshwaraganya nngwe le nngwe ya tse di umakilweng fa godimo.
Mo Karolong ya bo 2 ya Molao o, go rulagantswe maikaelelo magolo a Molao, fa Karoo ya bo 28 (a) e dira ditshiamelo tsa go aba dithata le tsamaiso tse di mabapi le dipatlisiso kgotsa go reetsa dikopo tsa dilaesense. Karolo ya bo 33 (a) e tlamela tshiamelo ya gore laesense ya tirelokgaso e ka rebolelwa;
a motho yo a ka rebolang dilaesense go bakopi ba dilaesense ba ba tla ntshang dilaesense tsa go phasalatsa makhubu ka mokgwa wa go ba tlhopha le go dumelela ba ba tla letlelelwang;
b motho yo o kopang laesense e le yo o tlhophang go dira ditshaiamelo tsa go phasalatsa tirelokgaso ya gagwe, e ka nna ka botlalo kgotsa bontlhanngwe, fela le gale e le motho yo a ka se reboleng laesense ya mofuta oo go Tirelokgaso epe e nngwe gape.
Karolo ya bo 42 e tswelela go tlamela ditshiamelo tsa tsamaiso mabapi le go reetsa dikopo tsa dilaesense tsa kgaso. Karolwana ya bo 47 e dira ditshiamelo tsa go tlhoma mabaka a a tshwanetseng go elwatlhoko, magareng ga tse dingwe, ke Setheo sa Bothati jwa Kgaso go etswetlhoko Maikaelelo le Maitlhomo a Molao, jaaka a kailwe mo Karolwaneng ya bo 2, fa go sekasekwa dikopo tsa dilaesense tsa tirelokgaso ya setšhaba ka mabaka:
a a gore a mokopi o laolwa ka botlalo ke setheo se se sa kokoanyeng dipoelo tsa morokotso mme a tswelela pele kgotsa a tsweledisiwa pele ke mabaka a go se kokoanye dipoelo tsa morokotso;
b a gore a mokopi o tshisinya go direla dikgatlhegelo tsa baagi ba setšhaba se se maleba;
c a gore, mabapi le ditshiamelo tsa tirelokgaso e e tshisintsweng, a mokopi o engwe nokeng ke setšhaba se se maleba kgotsa bao ba ba golaganeng le kgotsa ba ba rotloetsang dikgatlhegelo tsa baagi ba go nna jalo; kemonokeng e e ka lekanyediwang go ya ka mabaka a a tla beng a laetswe; le d a gore a mokopi o tshikhinya go rotloetsa ditokololo tsa baagi ba ba tshwanetseng kgotsa bao ba ba golaganeng le bona kgotsa ba ba rotloetsang dikgatlhegelo tsa baagi bao gore ba nne le seabe fa go tlhophiwa le go dira ditshiamelo tsa mananeo a a tla gasiwang mo tsamaong ya tirelo eo ya kgaso.
Karolo ya bo 47 (a) e tlamela dilaesense nakwana tsa tirelokgaso ya setšhaba fa Karolo ya bo 54 (c), yona e tlamela tirelokgaso ya paka e e rileng;
a go ya ka mabaka a laesense ya medumo ya kgaso ya selegae kgotsa laesense ya thelebišene, e e seng laesense ya nakwana ya tirelokgaso ya setšhaba go tsamaelana le Karolo ya bo 47A, e tla rebolwa paka ya nako ya dingwaga di le nne.
Fa Karoo ya bo 56 ya Molao e tlamela ditshiamelo tsa gore laesense ya kgaso e obamele melawana ya Boitshwaro jwa Kgaso, Karolo ya bo 62 e letla Tirelokgaso, le Komiti ya Tshekatsheko ya Dingongorego go tlhokomela gore batshola dilaesense tsa tirelokgaso ba obamela mabaka, maemo le boikarabelo jwa dilaesense tsa bone.
Molao wa Tirelokgaso wa 1999
Karolo ya bo 2 ya Molao wa Tirelokgaso wa No. 4, Molao wa 1999, e tlhalosa maikaelelo a Molao o mme Karolo ya bo 32 e dira ditshiamelo tsa gore laesense ya tirelokgaso ya setšhaba e ka rebolwa ke Bothati mo mabakeng a a latelang:
a Kgololosego ya go gasa ditirelo tsa radio;
b Kgololosego ya go gasa ditirelo tsa thelebišene.
Karolo ya bo 32 e dira ditshiamelo tsa gore laesense ya tirelokgaso ya setšhaba e tshwanetse go tsholwa ke mong wa laesense fa Karolo ya bo 32 ya ona Molao o, yona e dira ditshiamelo tsa gore motshola laesense yo o umakilweng mo karolwaneng ya bo , o tshwanetse go okamelwa le go laolwa ke Boto ya Bakaedi e e tshwanetseng go tlhophiwa ka mokgwa wa sedemokerasi, go tswa mo ditokololong tsa baagi ba kgaolo ya tikologo e laesense e rebotsweng mo go yona. Karolwana ya bo 32 ya Molao e dira ditshiamelo tsa gore thulaganyo ya mananeo a tirelo ya kgaso ya selegae e tshwanetse go supa ditlhokego tsa batho ba tikologo eo, tse mo gare ga tse dingwe di tshwanetseng go akaretsa merero ya setso, bodumedi, puo le tsa kgaolo mme go ya pele;
a e tlamele tirelo ya kgaso ya maemo a a kwa godimo a a diranang le merero ya setšhaba ka botlalo a gantsi a sa gasiweng ke tirelokgaso e e gasang mo kgaolong eo;
b e tshwanetse go sedimosetsa, e rute le go itumedisa;
c e tshwanetse go tsepama mo tlhagisong ya mananeo a a bayang merero ya setšhaba kwa setlhoeng, go akarediwa le, legale go sa felele fa fela, merero ya tlhabololo, tlhokomelo ya tsa kalafi, tshedimosetso ya botlhokwa le thuto ka kakaretso, merero ya tsa tikologo, ya tsa selegae le ya boditšhabatšhaba, le go senola setso sa selegae; le d e rotloetse tlhabololo ya kakanyo le maikaelelo a a tshwanang mo thulaganyong ya demokerasi le go tokafatsa matshelo a baagi.
Karolo ya bo 32 e tlamela ditshiamelo tsa gore matlole otlhe a a kokoantsweng ka go tsamaisa seteišene sa kgaso ya setšhaba a beelediwe go tswela baagi ba tikologo eo mosola le gore a tlhokomelwe ke Bothati jwa Kgaso, jo bo neetsweng dithata tsa go runa direkoto tsa matlole a ditirelo. Karolo ya bo 32 e tlamela ditshiamelo tsa gore; Bothati jwa Tirelokgaso bo tshwanetse go bolotsa dipatlisiso go netefatsa ditlhokego tsa diradio tsa setšhaba.
Pholesi ya Mmuso:
Pegelo ya Maikemisetso a Mmuso (White Paper) ka ga Tirelokgaso e tlhagisa mabaka a go se lekalekane ga go tlhomiwa ga diteišene tsa diradio tsa setšhaba mo nageng, mme go ya kwa pele e tlhagisa potso e e thata mabapi le phitlhelelo le tlhaelo ya didiriswa, boitseanape le bokgoni go tlhabolola tirelokgaso ya setšhaba.
Kgwetlho ya botlhokwa e e runyang go tswa mo molaotlhomong o, nnete tota, ke gore puso e abe thulaganyo ya maitlhomo a maikaelelo le tsela e e tlhaloganyesegang ka botlalo, go kgontsha gore go nne le dikgolagano tsa tirisano le makala a mangwe a a nang le kgatlhego mo go itumediseng ditlhokego tsa lekala la tirelokgaso ya diradio tsa setšhaba.
Legato la tirelokgaso ya setšhaba le theilwe go ya ka tumelo ya mabaka a gore ke ya baagi, e e itshimololetsweng ke baagi ka nosi, e bile e tsamaisiwa kgotsa ke thoto e beng ba yona e leng baagi bao. Ka ngwaga wa 1995, Bothati jwa Tirelokgaso jo bo Imemetseng (IBA) bo abetse diteišene tsa ntlha laesense e e ntšhwafadiwang morago ga paka ya ngwaga, se se tlhodileng gore go runye diteišene tse di fetang tse di itshimololetsweng ke baagi ka nosi.
Ke ka ntlha ya mabaka a, mo Lefapha le tshwaragantseng matsogo le makala a mangwe, go tlhabolola kgotsa go aba mafaratlhatlha a a botlhokwa thata. Go tsamaelana le dintlha tse di tlhalositsweng fa godimo, Lefapha le ikantse tirelo ya go aba dilaesense tsa paka ya dingwaga di le nne tse di abilweng ke Bothati jwa Tirelo - kgaso jo bo Ikemetseng (IBA ya maloba), se e ntseng motheo wa go aba didirisiwa go makala a diradio tsa setšhaba.
Diteišene tsa diradio tsa setšhaba tse di se nang laesense ya dingwaga di le nne, ga di a letlelelwa go amogela didirisiwa go tswa kwa lefapheng. Se se thusa mo ntlheng ya gore, mabaka a laesense e e abilweng ke a paka ya nako e telele, e bile go bonolo go Lefapha, go tlhokomela tswelelopele ya seteišene sengwe le sengwe sa radio se se amogetseng didirisiwa, mo tsamaong ya nako e e tsamaelanang le thulaganyo ya go tlhagisa ditekanyetso tsa puso.
Tshgetso e Kgolo ya Mafaratlhatlha a Diradio tsa Setšhaba
Kwa tshimologong, Lefapha le kopile ketleetso e e kgethegileng kwa Lefapheng la Matlotlo go le abela bokana ka dimilione di R3,139- e le go tshegetsa lekala. Mme go tloga mo ngwageng wa ditšhelete wa 1998/99, Lefapha le ikanne go tlhabolola se e le porojeke ya lona le ikemetse le le nosi, go ya ka ditaelo tsa Lenaane la Tlhabololo le Kagosešwa ( RDP).
Mo letlhakoreng la Lefapha, ditlhokego tsa go dira ditshiamelo tsa go ema nokeng mafaratlhatlha a baagi ba selegae ba ba humanegileng ba kwa dikgaolong tsa magae, go bonagetse e le kgato e e tshwanetseng ya go abela baagi ba dithata. Kgato ya ntlha ya porojeke e ntse go abela palo ya ditlhopha tsa baagi di le somerobedi go kgabaganya diporofense tsotlhe di le robong dithata, mme dikgato tse di latelang tsa dirwa mo dingwageng di le tharo tsa ditekanyetso tsa puso, tse di dirilweng mo dingwageng tsa ditekanyetso tsa bo 1999/2000 le 2000/01, go tlhoma ditirelo tse mo ditlhopheng tsa baagi ba selegae di le somaamatlhano nne .
Puso ya kwa Denmark e abile bokana ka dimilione di le R6.27 ka Letlole la Kgaso. Go botlhokwa go tlhokomela gore thulaganyo ya go tlhopha baamogeladitshiamelo ba matlole e dirwa ke mekgatlho e e umakilweng, go tila go tshwaela mo go sa lolamang ga kakanyo ya motho a le nosi mo letlhakoreng la puso mo lekaleng le.
NCRF, IMDT, Letlole la Kgaso le Lefapha di tlhomile Komiti ya Tsamaiso e boikarabelo jwa yona e leng go tlhopha diteišene tse di tla amogelang matlole a, fa diteišene di tlhomiwa. Komiti ya tsamaiso ke yona e e tlhophileng, mme e tla tswelela go tlhopha diteišene tse di abelwang matlole go ya ka mokgwa wa laesense ya dingwaga di le nne tse di abilweng ke Bothati jo bo Ikemetseng jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA).
MULTIMEDIA DIPHASALATSO TSA MEFUTA E E FAROLOGANENG
MAPS ... MEBEPE LE THULAGANYO E E SUPANG KWA DITEIŠENE TSA DIRADIO TSA SETŠHABA DI LE 17 DI TLHOMILWENG TENG
MAPS ... MEBEPE LE THULAGANYO E E SUPANG KWA DITEIŠENE TSA DIRADIO TSA SETŠHABA DI LE 17 DI TLHOMILWENG TENG
MAPS ... MEBEPE LE THULAGANYO E E SUPANG KWA DITEIŠENE TSA DIRADIO TSA SETŠHABA DI LE 17 DI TLHOMILWENG TENG
Go fitlha ga jaana gompieno, diporofense tse di boneng mosola mo porojekeng e ke, Porofense ya Bokone ka diteišene di le tharo, Mpumalanga di le pedi, Bokone Bophirima di le pedi, Kapa Botlhaba di le nne, Kapa Bokone di le pedi le Foreisetata yo le ena a tlhometsweng di le nne.
Ditheo tse dingwe tsa radio tse e seng tsa selegae tse di tshwanang le Ditirelo tsa Puso tsa Tshedimosetso la Ditlhaeletsano (CIS), le tsona di amogetse didirisiwa. Lefapha la Temothuo le NEMISA le tsona di abetswe didirisiwa ka ntlha ya diporojeke tse di di boloditseng kwa setšhabeng. Lefapha la Temothuo le tlhama le go gatisa mananeo a a romelwang kwa diteišeneng tsa diradio tsa setšhaba go a gasa.
Didirisiwa tse di setseng
Border Technikon, fela jaaka Lefapha la Temothuo, le yona e bone mosola gonne mananeo a yona le diporojeke di itshetlegileng mo go tlhabololeng setšhaba. Go tshwanetse gape ga ntshetswa mo pontsheng gore didirisiwa tse di setseng di tla abelwa Porofense ya KwaZulu Natala, Porofense ya Gauteng, le Porofense ya Kapa Bophirima ka ya ntlha tiro e e diegileng ya go abiwa ga dilaesense.
Mo godimo ga didirisiwa tse di setseng di abilwe, Lefapha le na gape le setudio se se bontshiwang. Go na le didirisiwa tse di bolokilweng tse diteishene tse di setseng di abetswe tirelo di tla etelwang gape; mme diteishene tse di tshwanang le Radio ya Selegae ya Unitra le Border Technikon (e e seng radio ya selegae) kwa Kapa Botlhaba, Radio ya Selegae ya Yunibesiti ya Venda (Univen) le Radio Turf kwa Limpopo, le Lentswe Stereo kwa Foreisetata di tla bonang molemo fa diporofense tse di jelwa nala gape.
Tshegetso ya Puso go lekala la diradio tsa setšhaba ka kakaretso
Peomolao e e kgontshang
Puso e tsere matsapa a go netefatsa gore go na le lekala la diradio tsa setšhaba tse di bokgoni le tse di tswelediwang pele. Go ya ka pego le ditshisinyo tsa Comtask, e rile ka ngwaga wa 1996 puso e ne gape ya ikana go tsamaelana le tshweetso ya Kabinete go tlhoma setheo se se tla rotloetsang gore ditlhopha tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, di fitlhelela diphasalatso le go tsholetsa bontsi jwa palo ya diphasalatso.
Ke fa go tlhongwa kgato ya boraro e ntšhwa, e e bidiwang Tirelokgaso ya Setšhaba, e e tlhomilweng ka kakanyo ya nako e e fetileng le go thiba phatlha e e neng e le teng. Ka se go ne ga tlhomiwa thulaganyo e ntšhwa ya ditirelokgaso ka ngwaga wa 1993, eo ka yona setšhaba se neng sa itse sepe gotlhelele ka ga tirelokgaso, se neng lwa ntlha sa ikutlwisa go nna le sedirisiwa sa go buisana se se tlhomilweng le go tsamaisiwa ke sona, mo tikolong ya kgaolo ya sona. Ditirelo tse tsa kgaso ya diradio tsa Setšhaba di ne tsa bolodiwa ka mokgwa wa go iteka lesego go tswa mo setšhabeng le puso, tse di neng di kgaogane thata le go se dirisane mabapi le go tlhomiwa ga lekala le.
Le gale, bomankge ba boitseanape jwa lekala le ba ne ba tlhoma mekgatlho e e neng e tshwanetse go dirisana le puso le go e gakolola ka fa seabe sa yona se leng botlhokwa ka teng mo tirong e, fa e ka tsenya seabe sa yona go tlhabolola le go tshegetsa lekala le. Fa ke gona mo go simolotseng tirisano ya semphato magareng ga puso le lekala le, mo ditlhopha ka bobedi di neng tsa simolola go supa dikgatlhego tse di tshwanang, mme ga tlhomiwa seoposengwe se se neng sa itumedisa baagi thata, ba ba neng ba ka se kgone go tlhoma mafaratlhatlha a a tlhokegang a tirelokgaso.
Lenaane la go tlhoma mafaratlhatlha
Lenaane le le ikaeletswe go maatlafatsa ditšhaba tse di humanegileng mafaratlhatlha a tlhaeletsano. Tsona di abetswe ditlamelo tsa disetudio tsa go gasa, disetudio tsa go gatisa mananeo le didirisiwa tsa go romela makhubu a kgaso. Ka lenaane le, ditlhopha di le mmalwa tsa setšhaba di abetswe dilaesense ke IBA (e ga jaana e leng ICASA), mme di gasa ka dilaesense tsa Tirelokgaso ya Diradio tsa Setšhaba tsa dingwaga di le nne.
Tlhagiso ya Mananeo
Setšhaba se katisitswe go go tlhagisa mananeo ka dikopano tsa ditherisano tsa diporofense le go tlhoma Dikomiti tsa Diporofense tsa go Gatisa le go Tlhagisa Mananeo ka mekgatlho e e tlametsweng ka bokgoni jo bo tletseng ka ga ditemakgang tse di tshwanetseng, mafelo a go gatisa le go tlhagisa mananeo le go a gasa. Mananeo a, a tshegetsa diteišene go kgona go gasa mananeo ka ga merero ya tlhabololo ka tirisano le setšhaba.
Se se rotloetsa setšhaba go nna le seabe ka botlalo mo go tlhopheng le go tlhagisa mananeo a a tshwanetseng go gasiwa. Mananeo a ga jaana a mabapi le merero ya basadi, ya bana, ya digole le boitekanelo, le e e jaaka HIV/AIDS. Manaane a a thusa go tlhoma Ditheo tsa Diporofense tsa Ditiro tsa go Tlhagisa Mananeo, e le go thusa bokgoni jwa go tlhagisa mananeo a mo legatong la diporofense. Mo manaaneng a, go akareditswe gape le Mefuta ya Katiso.
Bobegakgang jwa Setšhaba ka Eleketeroniki (CEM)
Go tsamaelana le Maano a a Tshwaragantsweng a Puso a Tlhabololo e e Tswelediwang ya Dikgaolo kwa Magaeng (di-ISRDS), Lafapha le tlhoma Ditikwatikwe tsa Bobegakgang jwa Setšhaba ka Eleketeroniki kwa Magaeng kwa Diofising tsa Poso / kgotsa kwa Dikolong (fa go se nang Diofisi tsa Poso kwa ditikolong tsa magae). Ditikwatikwe tse di tla kokoanya tshedimosetso le go tlhabolola didirisiwa tsa setšhaba tse di tshwanang le Radio ya Setšhaba, Thelebišene ya Setšhaba, Ditikwatikwe tsa Ditlhaeletsano tsa kwa Kgakala, Mafaratlhatlha a Tshedimosetso ya Botlhe (PIT), a Inthanete, le a mangwe.
Ditikwatikwe tse kwa tshimologong di tla tlhomiwa mo mafelong a dithota a le 18 a a supilweng ke di-ISRDS. Mokgwa o o ikaeletswe go abela ditlhopha tsa setšhaba dithata le go netefatsa tlhabololo e e rulagantsweng sentle ka botlalo. Mafelo a a tla dirisediwa gape le ditlhabololo tse dingwe tse di tlhokagalang go ema lenaane le le umakilweng fa godimo nokeng; go tshwana le ditsela, kabo ya motlakase le metsi, le tse dingwe, ka go dirisana le mafapha a mangwe a a lebaganeng a puso. Ka go rialo Lefapha le dirisana mmogo le letsholo la Ditikwatikwe tsa Maphata a a Farologaneng a Setšhaba (di-MPCC), go netefatsa maano a a tshwaraganetsweng a tlhabololo e. Mekgatlho e e seng ya puso le e mengwe e e theilweng mo setšhabeng e na le seabe mo tirong ya go tlhoma di-MPCC mo makaleng a tikologo ya selegae, a diporofense le a bosetšhaba. Kgolagano e e tla netefatsa gore yona mekgatlho e, e tla tsamaisa tlhabololo ya bobegakgang jwa setšhaba mo dikgaolong tsa sona.
Mo pakeng e telele, Lefapha le tla tlhama pholesi e e ka lebisang kwa tlhabololong ya dipeomolao go tlamela lekala le mo madirelong a tlhaeletsano.
Dipharologano tsa Bobegakgang le Kemedi ya Tlhabololo (MDDA)
Morago ga pego ya Comtask e e amogetsweng ke Kabinete, puso e ne ka GCIS ya tlhabolola lokwalo lwa Ditherisano (Bukana ya Ditherisano), lo lo neng lwa phasaladiwa gore setšhaba se tshwaele mo go lona. Ka ntlha ya ditshwaelo tseo, puso e tshwaragane le go tshwaraganya matsapa a yona a maikaelelo a a tla netefatsang go tlhomiwa ga thulaganyo ya mekgwa e e tla tshegetsang tsweletso- pele, mo gare ga tse dingwe, ga lekala le.
Tshegetso ya Beng
Diporojeke tse di umakilweng fa godimo di tlhabolotswe go tswa mo tshegetsong ya lekala le, ka baemedi ba mekgatlho e. Diporojeke tse di ikaeletswe go natlafatsa tiro le ditshegetso tse di dirwang ke lekala le ka Mekgatlho e Mengwe e e seng ya Puso (di-NGO), mmogo le mekgatlho ya boditšhabatšhaba e e abang matlole, fa go sale go bolodiwa tlhabololo e. Mmuso o amogela le go lebogela seabe sa yona ka botlalo.
Diakeronimi
GCIS Ditirelo tsa Mmuso tsa Tshedimosetso le Ditlhaeletsano
NEMISA Setheo sa Bosetšhaba sa Bobegakgang jwa Eleketeroniki sa Aforika Borwa
IBA Bothati jo bo Ikemetseng jwa Tirelokgaso
ICASA Bothati jo bo Ikemetseng jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa
MDDA Tlhabololo ya Bobegakgang le Dipharologano tsa Boemedi
USA Boemedi jwa Ditirelo tsa Botlhe
NCRF Foramo ya Bosetšhaba ya Ditirelo tsa Diradio tsa Setšhaba
IMDT Terasete e e Ikemetseng ya Dipharologano tsa Bobegakgang
AMARC Mokgatlho wa Lefatshe wa Ditirelokgaso tsa Setšhaba
SACRIN Mafaratlhatlha a Tshedimosetso ya Diradio tsa Setšhaba sa Aforika
Borwa
CDC Tikwatikwe ya Ditlhaeletsano tsa Demokerasi
IAJ Setheo sa Tsweletso ya Bobegakgang
DMA Boemedi jwa Tlhabololo ya Bobegakgang
MTC Tikwatikwe ya Katisetso Bobegakgang
FXI Setheo sa Tlhagisomaikutlo ka Phuthologo
OSF Mokgatlho wa Setšhaba se se Gololosegileng
NAB Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Badiredikgaso
ACB Mokgatlho wa Badiredikgaso ba Bakeresete
IFRB Mokgatlho o o Ikemetseng Badiredikgaso ba Sedumedi
PDA Dikgaolo tse Pele di neng di Ikgatholositswe
ISRDS Togamaano e e Tshwaragantsweng ya Leruri ya Tlhabololo Dikgaolo tsa kwa Magaeng
CEM Bobegakgang jwa Eleketeroniki tsa Setšhaba
PIT Mafaratlhatlha a Tshedimosetso ya Setšhaba
Lefapha la Ditlhaeletsano
Mogala: 427-8101
Fekese: 427-8059
